Wena
Ke rile ke go leba ka boferefere Ka fitlhela matlho a phage a lebane ka boferefere Kana pelo yame ne e jetse ya Gago nala Ya nnela ruri ka e kgatlhiwa ke bojanala Ya itumela jaaka setlhare see le mo mmung o nonneng Kana o montle le pelo Bontle jwa go ntsha pelo pelaelo Bontle bo senang dibelebejane O serurubele se se fofelang gaufi le pelo yame O tsere le dingongorego tsame Ya sala e kare di tserwe ke sefefo sa moya O motswedi o se kitlang o kgala lorato O mphitlhetse ke kolokotega mo lekgwarapeng Jaaka setlhako se sena mmati Wa tloga galalela sa teemane ya tlhwatlhwa e thata go bonwa Ko gae ba ka wa ba relela fa ba ka go bona
Ad
Poetry Books 50% Off
Bestselling collections from top poets
Shop Now →
