Kotlhao ya lerato
Go nale mosetsana o ne ke mo rata... Batswadi ba nkgalemela ba re vaya... Ka tlelwa ke le tswalo ka gana... Go ne go se bonolo go mo tlhala... Fela nna ene ke mo rata... A le montle a ntshwanela... Morago ga go bona ba betere go mphala ... A simolola go nkwatela... Ka gopola batswadi bame... Ba ne ba nkgalemela Ke sa le mmotlana... Ka itlhopela go sa retse... Ke re ba bua Di tsia badimo.. Ke sa itsi ditlamorago... Gore e ka nna tse diseng monate... Gompieno ke tlhadilwe... Ke tsoga ka di tlhabi... Pelo ele botlhoko... Sefatlhego se tletse dikeledi... Ke tlhoka mmoeledi... Ne go le monate... Ke le mo ma ratong... Le basetsana ba le ba nne... Ke ba roba dipelo... Ke ba fetola e kare Nama ya peso... Batho botlhe ba ntlhanogetse... Ditsala di mfufagetse... Masika ba mphuagantse Ka itlwaetsa go rapela... Modimo a ntshwerela... Bophelong ba ka gwa nna le kagiso... Yaba ya nna tsone tsotlhe
Poetry Books 50% Off
Bestselling collections from top poets
